Friday, May 20, 2011

Maganwa ke dilo

Ke makgolela, maswereswetlhane
Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo
Ke re ke rue se, lo lotlege, Ke re ke rue se, lo lotlege
Tota nna ke tla rua lo ile kae?
Ka makgolela a a maswereswetlhane,
Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo.

Seboba re bata sa mokwatla sa mpa ra mpampetsa...

Ngwale gaainame o a bo a ikantse motlokolo...

Pelo ke pholwana e a ipofelwa...

sedikwa ke ntswa pedi gase thata...

Ina lebe seromo,

Noga e teng ga e lekangwe ka lelodi.....

Bodiba Bo jeleng ngwana a mmago ere o feta ka jone obo kekologe.....

E rile a tlogela ra botsa gore Sitilo wa go se naaa mang are "Molwantwa Ian Khama o teng otla le etella pele" morwa Motswaledi otla a tsaa a tswella ka go busa lefatshe leno ka thokgamo, otla ntshwaa fake phoso teng ke nkgonne kea mo itse!

E rile a tlogela ra botsa gore Sitilo wa go se naaa mang are "Molwantwa Ian Khama o teng otla le etella pele" morwa Motswaledi otla a tsaa a tswella ka go busa lefatshe leno ka thokgamo, otla ntshwaa fake phoso teng ke nkgonne kea mo itse!

mosadi tshwene o jewa mabogo

....Tshukudu e fetang mookana,pounama di botlhoko....Thusang bagaetsho ka tlhaloso....

Balete

Matebele a mantsho aga ma masodi-a mphela
A ga selala le namane letlhakoleng
di robaroba matlhakola, a he dia robile fela di satla go a lala, 
di tsoga di gopola letlhakola lengwe
ditlhaolela nageng, namane e di naka di diobe
ere faere "gou!"di be dire "goo" kgodumo
Kgodumo e o e tshabele mogotlhong ,more wa nare ga o lebalebelwe; 
mutlwa gao tswane le lenaka, o ka tlhomolwa. 
mogatsa mmolaya nare o ya a batla seantlo a sale gale. 
Ka kgodumo e e maboo mabe, go boeng ga yone e a gabalala
Barwa Ba taola tsa mere
Barwa motlhana o tlhokile motsei 
o jelwe ke magakabe le manong 
Barwa kgodumo ya leselesele.

KE RONA BA BINA NARE KE BUA KA BALETE.KE KOPA GA OLE TENG FA O ITLHAGISE GONA L DIKGAKOLLO DINGWE TSE KE DI TLHAELANG RA TLA RA GAKOLLANA

Monna thekelele theko ya marumo, ya re gaare thee abo aile

bare semonate se ingwaelwa ...

Borwa bo phintse,tlhaloso ba garona

Ngwana yo o tlhogo kgolo o sira rraagwe. Tlhalosang hao bagaetsho!

Rekolola

Mmangwana o tshwara > chelete ya maintenance
Mosadi tshwene > o batla make-up
Ntswanyana e bonwa > ko dumping site
Tselakgopo ga e latse > nyatsing
Setlhare sa mosi > ke go timamollo
Morogo wa ngwana > o lokiwa ka aromat
Tlhapi solofela leraga > masepala o tswetse metsi
Khutsana e sa sweng > e letile di-grant
Mosadi fa a inama > o ikantse stoffie
Motlhapisa podi ngolwana > ga a e tshase dawn
Bopelonomi bo bolaile > father Christmas
Masepa a ntswa a dujwa > ke cleaner
Korwe ga ke je > ke a slima 
Khudu ya mariga > e apara leather
Phudufudu e e thamo telele > ga e lekanwe ke necklace
O se bone nong go rakalala godimo > bullete ke ya yona
Kgaka kgolo ga kena mebala > mebala e ko Foschini
Kgabutle ga a ke a feta faabo > fa a ya ko KFC
Tshwenyana e e bowa bontllha > e dira s-curl
Bodiba ba go ja ngwana’ mmago, e re o feta ka bone > o apare costume
Phokwana belebetsha, e re o lebile moseja > o ntshe passport
Phiri o rile ga bose > before sunrise
Molaa kgosi > o e egakolola ka rural police
Seboba re bata sa mokwatla > sa mpa re se tshela doom
Kolobe ya morago e bonwa ke > di poacher
Sedikwa ke ntja pedi > se nyele
Kgomo modimo o o nko > e nyontshang
Bana ba kgwale > ba rata McDonalds
Mogama kgomo ya mafisa > o e gamela ko dairing
Marematlou > a tshwa